Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | LUKE 12-13

“Lo Botlhokwa go Feta Dithaga di le Dintsi”

“Lo Botlhokwa go Feta Dithaga di le Dintsi”

12:6, 7

Mafoko a ga Jesu a a mo go Luke 12:6, 7 a kaya eng? Mo go Luke 12:4, Jesu o ne a raya balatedi ba gagwe a re ba se ka ba boifa batho ba ba ba ganetsang kgotsa ba ba batlang go ba bolaya. Jesu o ne a thusa barutwa ba gagwe gore ba ipaakanyetse dipogiso tse ba neng ba tla lebana le tsone mo isagweng. O ne a ba tlhomamisetsa gore Jehofa o tsaya batlhanka botlhe ba gagwe ba le botlhokwa le gore a ka se letle gore ba bogisediwe ruri.

Re ka etsa Jehofa jang ka go amega ka batho ba ba bogisiwang?

Re ka bona kae tshedimosetso ya bosheng ka Basupi ba ga Jehofa ba ba mo dikgolegelong ka ntlha ya tumelo ya bone?

Ke bakaulengwe le bokgaitsadi ba le kae ba ba kwa dikgolegelong?