Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

BOTSHELO JWA BOKERESETE

O ka Thusa ba Lelapa la Gago Gore ba Itumele

O ka Thusa ba Lelapa la Gago Gore ba Itumele

Jehofa o batla gore malapa a itumele. (Ps 127:3-5; Mor 9:9; 11:9) Mme gone, ka ntlha ya mathata le diphoso tse ba malapa a rona ba di dirang go ka nna thata gore re itumele. Ke eng se mongwe le mongwe mo lelapeng a ka se dirang gore lelapa le itumele?

Monna o tshwanetse go tlotla mosadi wa gagwe. (1Pe 3:7) O tshwanetse go fetsa nako le ene. Ga a tshwanela go lebelela gore mosadi wa gagwe a dire dilo tse a sa kgoneng go di dira e bile o tshwanetse go bontsha gore o lebogela dilo tse mosadi wa gagwe a mo direlang tsone le ba lelapa la gagwe. (Bak 3:15) Gape o tshwanetse go mmolelela kafa a mo ratang ka gone.—Dia 31:28, 31.

Mosadi o tshwanetse go tshegetsa monna wa gagwe. (Dia 31:12) O tshwanetse go mo ikobela le go dirisana sentle le ene. (Bak 3:18) Gape o tshwanetse go bua sentle le ene le go bua dilo tse di siameng ka ene mo bathong ba bangwe.—Dia 31:26.

Batsadi ba tshwanetse go fetsa nako le bana ba bone. (Dut 6:6, 7) Ba tshwanetse go ba bolelela gore ba a ba rata. (Mat 3:17) Mme fa ba ba otlhaya ba tshwanetse go dira jalo ka botlhale le ka lorato.—Bae 6:4.

Bana ba tshwanetse go reetsa batsadi ba bone. (Dia 23:22) Ba tshwanetse go bolelela batsadi ba bone dilo tse ba di akanyang le tsela e ba ikutlwang ka yone. Gape ba tshwanetse go amogela kotlhao mo batsading ba bone le go bontsha gore ba a ba tlotla.—Dia 19:20.

LEBANG BIDIO YA DIRA GORE GO NNE LE BOITUMELO MO LELAPENG, LO BO LO ARABA POTSO E E LATELANG:

• Ke eng se mongwe le mongwe wa bone a ileng a se dira gore lelapa la bone le nne le itumetse?