Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

BOTSHELO JWA BOKERESETE

Letsholo le le Kgethegileng la go Itsise Batho ka Bogosi Jwa Modimo Le le Ka September!

Letsholo le le Kgethegileng la go Itsise Batho ka Bogosi Jwa Modimo Le le Ka September!

Ka September re tlile go dira maiteko a a kgethegileng a go itsise batho gore Bogosi jwa Modimo ke jone fela jo bo ka rarabololang mathata a batho. (Mat 24:14) Ke eng se o ka se dirang go tsaya karolo mo tirong eno? O ka balela batho ba le bantsi temana e e buang ka Bogosi jwa Modimo mo kgweding eo. Fa mongwe a bontsha gore o kgatlhegela molaetsa wa gago, mo neye makasine wa batho botlhe wa Tora ya Tebelo No. 2 2020. Etela motho yo o bontshitseng kgatlhego o bo o leka go simolola thuto ya Baebele o dirisa boroutšhara jwa Itumelele go Tshelela Ruri! Botlhe ba ba tla direlang e le babulatsela ba ba thusang mo kgweding ya September ba ka tlhopha go dira diura di le 15 kgotsa di le 30.

Bogosi jwa Modimo bo tlile go senya dipuso tsotlhe tse di leng kgatlhanong le jone. (Dan 2:44; 1Bk 15:24, 25) A re diriseng tshono eno go bontsha gore re tshegetsa Jehofa le Bogosi jwa gagwe!