Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

BOTSHELO JWA BOKERESETE

O Ipeetse Mekgele Efe mo Ngwageng o Mosha wa Tirelo?

O Ipeetse Mekgele Efe mo Ngwageng o Mosha wa Tirelo?

Mekgele e re ipeelang yone mo phuthegong e akaretsa sengwe le sengwe se re ka se dirang gore re kgone go direla Jehofa mo go oketsegileng le gore re mo itumedise. E re thusa gore re nne Bakeresete ba ba nang le tumelo e e nonofileng e bile re ka se ikwatlhaele nako le maatla a re a dirisitseng gore re fitlhelele mekgele eo. (1Ti 4:15) Goreng re tshwanetse go sekaseka mekgele e re ipeelang yone ka metlha? Ke ka gonne maemo a rona a fetoga. Go ka direga gore re se ka ra kgona go fitlhelela mokgele o re neng re ipeetse one ka ntlha ya maemo a rona a a fetogileng. Kgotsa gongwe re setse re o fitlheletse mme re tlhoka go ipeela o mongwe.

Nako e e siameng ya go sekaseka mekgele ya rona, ke pele ga ngwaga o mosha wa tirelo o simolola. Gongwe ka kobamelo ya lelapa le ka tlotla ka mekgele e mongwe le mongwe wa lona a ka ipeelang yone le mekgele e lo ka ipeelang yone jaaka lelapa?

Ke mekgele efe e o ipeetseng yone mo dikarolong tseno tse di latelang mme ke eng se o tlileng go se dira gore o kgone go e fitlhelela?

Go bala Baebele ka metlha, thuto ya botho, go nna gone kwa dipokanong, go arabela.—w02 6/15 15 ¶14-15

Bodiredi.—w23.05 27 ¶4-5

Dinonofo tsa Bokeresete.—w22.04 23 ¶5-6

Tse dingwe: