Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

BOTSHELO JWA BOKERESETE

Etsa Lorato Lwa ga Jehofa Lo lo Sa Kgaotseng

Etsa Lorato Lwa ga Jehofa Lo lo Sa Kgaotseng

Jehofa o re tlhometse sekao se se molemo sa go bontsha lorato lo lo sa kgaotseng. (Ps 103:11) Lorato loo, ga se maikutlo a nakwana kgotsa a a felang ka bonako. Lorato lo lo sa kgaotseng ke boikutlo jo bo kwa teng jo bo nnelang ruri. Jehofa o ile a bontsha gore o rata Baiseraele ka ditsela tse di farologaneng. O ile a ba golola mo bokgobeng kwa Egepeto a bo a ba isa kwa Lefatsheng le le Solofeditsweng. (Ps 105:42-44) O ile a ba lwela e bile o ne a nna a ba itshwarela fa ba ne ba mo leofela. (Ps 107:19, 20) Fa re nna re “sekaseka ka kelotlhoko ditiro tsa ga Jehofa tsa lorato lo lo sa kgaotseng,” re tla tlhotlheletsega go mo etsa.—Ps 107:43.

LEBANG BIDIO YA “AKANYA KA LORATO LO LO IKANYEGANG LWA GA JEHOFA,” LO BO LO ARABA DIPOTSO TSE DI LATELANG:

  • Re ka bontsha lorato lo lo sa kgaotseng ka ditsela dife?

  • Goreng re tshwanetse go intsha setlhabelo gore re bontshe lorato lo lo sa kgaotseng?