Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

BOTSHELO JWA BOKERESETE

Ba Dira ka Natla go re Thusa

Ba Dira ka Natla go re Thusa

Balebedi ba potologo le basadi ba bone ba rata bakaulengwe le bokgaitsadi mo diphuthegong tse ba direlang kwa go tsone. Fela jaaka mongwe le mongwe wa rona, le bone ba tle ba lape, ba kgobege marapo le go tshwenyega thata mo maikutlong. (Jak 5:17) Mme gone, beke le beke ba tlhoma mogopolo mo go kgothatseng bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba mo diphuthegong tse ba di etetseng. Eleruri, balebedi ba potologo “ba tshwanetse go tlotliwa thata.”—1Ti 5:17.

Fa moaposetoloi Paulo a ne a ya kwa Roma gore a ye go kgothatsa phuthego ya koo, o ne a lebile pele gore le bone ba mo kgothatse. (Bar 1:11, 12) A o kile wa akanya gore o ka kgothatsa jang molebedi wa potologo le mosadi wa gagwe, fa e le gore o nyetse?

LEBANG BIDIO YA TIRO YA MOLEBEDI WA POTOLOGO YO O DIRELANG KWA MAGAENG, LO BO LO ARABA DIPOTSO TSE DI LATELANG:

  • Ke eng se balebedi ba potologo le basadi ba bone ba se dirang go bontsha gore ba rata bakaulengwe le bokgaitsadi mo diphuthegong?

  • O solegetswe molemo jang ke tiro e ba e dirang?

  • Re ka ba kgothatsa jang?