Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO

Nehemia O ne A Batla go Direla, e Seng go Direlwa

Nehemia O ne A Batla go Direla, e Seng go Direlwa

Nehemia ga a ka a dirisa maemo a gagwe ka tsela e e sa siamang (Neh 5:14, 15, 17, 18; w02 11/1 27 ¶3)

Nehemia o ne a sa laole tiro fela mme o ne a thusa mo tirong eo (Neh 5:16; w16.09 6 ¶16)

Nehemia o ne a kopa Jehofa gore a se ka a mo lebala ka ntlha ya dilo tse di molemo tse a di diretseng Baiseraele (Neh 5:19; w00 2/1 32)

Nehemia e ne e le mmusi wa kgaolo mme ga a ka lebelela gore batho ba mo tseye e le motho yo o kgethegileng. Batho ba ba nang le dikabelo tse di kgethegileng le maikarabelo mo phuthegong ba ka ithuta mo sekaong sa gagwe se se molemo.

IPOTSE: ‘A ke tlhomile mogopolo mo dilong tse nka di direlang ba bangwe go na le go tlhoma mogopolo mo go tse bone ba ka ntirelang tsone?’