Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO

Tsela e Esera a Neng a Itshwere ka Yone e Ile ya Dira Gore Jehofa a Galalediwe

Tsela e Esera a Neng a Itshwere ka Yone e Ile ya Dira Gore Jehofa a Galalediwe

Esera o ile a letla gore Lefoko la Modimo le tlhotlheletse tsela e a neng a itshwara ka yone (Esr 7:10; w00 10/1 14 ¶8)

Batho ba bangwe ba ile ba lemoga gore Esera o na le botlhale jo bo tswang kwa go Jehofa (Esr 7:25; si 75 ¶5)

E re ka a ne a le boikokobetso, Esera o ne o ne a tlhomamisegile gore Jehofa o tla mo kaela le go mo sireletsa (Esr 8:21-23; it-1-E 1158 ¶4)

Kgosi e ne ya naya Esera maikarabelo a a oketsegileng ka gonne o ne a bontsha gore o na le botlhale jo bo tswang kwa Modimong. Fela jaaka Esera, le rona re ka galaletsa Jehofa ka tsela e re itshwarang ka yone.

IPOTSE: ‘A batho ba ba sa direleng Jehofa ba ntlotla ka gonne ke tshela ka melaometheo ya Modimo?’