Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO

“Lo se Ka Lwa Kgoreletsa Tiro e e Dirwang”

“Lo se Ka Lwa Kgoreletsa Tiro e e Dirwang”

Moperesiti yo Mogolo e bong Jeshua (Joshua) le Mmusi wa Kgaolo e bong Serubabele ba ile ba etelela pele tiro ya go aga tempele sesha le fa gone ba ne ba thibetswe (Esr 5:1, 2; w22.03 17 ¶13)

Fa baganetsi ba ne ba botsa Bajuda gore ke mang yo o neng a ba neile tetla ya go tswelela ka tiro, Bajuda ba ne ba ba bolelela gore ba neilwe taelo ke Kurose (Esr 5:3, 17; w86 2/1 29, lebokoso ¶2-3)

Kgosi e ne ya tlhomamisa gore a taelo eo e boammaaruri a bo a laela baganetsi bao gore ba tlogele go kgoreletsa tiro (Esr 6:7, 8; w22.03 15 ¶7)

AKANYETSA KWA TENG KA SENO: Pego eno ya Baebele e re thusa jang go latela ditaelo tse re di newang ke bakaulengwe ba ba tlhophilweng le fa gone re sa di tlhaloganye?—w22.03 18 ¶16.