Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

August 26–September 1

PESALEMA 78

August 26–September 1

Pina 97 le Thapelo | Matseno (1 mots.)

MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO

1. Go sa Ikanyege ga Baiseraele ke Tlhagiso mo go Rona

(10 mets.)

Baiseraele ba ne ba lebetse dilo tse di molemo tse Jehofa a neng a ba diretse tsone (Ps 78:11, 42; w96 12/1 29-30)

Baiseraele ga ba ka ba lebogela dilo tsotlhe tse di molemo tse Jehofa a neng a ba diretse tsone (Ps 78:19; w06 7/15 17 ¶16)

Baiseraele ba ne ba sa ithute mo diphosong tsa bone, go na le moo ba ne ba dira se se sa siamang (Ps 78:40, 41, 56, 57; w11 7/1 10 ¶3-4)


AKANYETSA KWA TENG KA SENO: Ke eng se se ka re thusang gore re ikanyege mo go Jehofa?

2. Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong

(10 mets.)

  • Ps 78:24, 25​—Goreng mana a bidiwa “dijo tsa kwa legodimong” le “senkgwe sa ba ba maatla”? (w06 7/15 11 ¶5)

  • Mo mmalong wa Baebele wa beke eno, ke dintlha dife tse o ka ratang go tlotla ka tsone?

3. Mmalo wa Baebele

(4 mets.) Ps 78:1-22 (th thuto 5)

TLHAGAFALELA BODIREDI

4. Fa o Kopana le Motho Lekgetlo la Ntlha

(3 mets.) GO RERA KA NTLO LE NTLO. Kopa go ithuta Baebele le ene. (lmd thuto 5 ntlha 5)

5. Fa o Kopana le Motho Lekgetlo la Ntlha

(3 mets.) GO RERA KA NTLO LE NTLO. Dirisa pampitshana go simolola motlotlo. Kopa go ithuta Baebele le ene. (lmd thuto 5 ntlha 4)

6. Fa o Kopana le Motho Lekgetlo la Ntlha

(1 mots.) GO RERA KA NTLO LE NTLO. Mong wa ntlo o kopa gore o bue le ene ka bonako. Kopa go ithuta Baebele le ene. (lmd thuto 2 ntlha 5)

7. Fa o Kopana le Motho Lekgetlo la Ntlha

(4 mets.) GO RERA O SE MO BODIREDING. Batla tsela ya go mmolelela gore o Mosupi wa ga Jehofa kwa ntle ga go mmalela Baebele, o bo o kopa go ithuta Baebele le ene. (lmd thuto 2 ntlha 4)

BOTSHELO JWA BOKERESETE

Pina 96

8. Ithute mo Sekaong sa ga Filipo wa Moefangele

(15 mets.) Motlotlo.

Baebele e bua ka batho ba ba neng dira dilo tse di molemo le tse di bosula. Re tshwanetse go ipha nako ya go ithuta ka dipego tseno. Fa re ntse ke bala dipego tseno tsa Baebele, re tshwanetse go akanyetsa kwa teng ka se re se ithutang le go bona gore re ka dira diphetogo dife.

Filipo wa moefangele o ne a itsiwe jaaka Mokeresete yo o “tletseng moya le botlhale.” (Dit 6:3, 5) Re ka ithuta eng mo sekaong sa gagwe?

Tshameka BIDIO ya Ithute mo go Bone​—Filipo wa Moefangele. Morago ga moo, botsa bareetsi gore ke eng se ba ithutileng sone mo dintlheng tseno:

  • Tsela e Filipo a neng a itshwara ka yone fa maemo a gagwe a fetoga.​—Dit 8:1, 4, 5

  • Masego a Filipo a ileng a a bona ka go bo a ne a ikemiseditse go ya kwa go neng go na le tlhokego gone.​—Dit 8:6-8, 26-31, 34-40

  • Filipo le ba lelapa la gagwe ba ileng ba solegelwa molemo jang ke go amogela baeng.​—Dit 21:8-10

  • Lelapa le le mo bidiong eno le solegetswe molemo jang ke sekao sa ga Filipo

9. Thuto ya Baebele ya Phuthego

Dintlha Tse di Konelang (3 mets.) | Pina 101 le Thapelo