Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

August 5-11

DIPESALEMA 70-72

August 5-11

Pina 59 le Thapelo | Matseno (1 mots.)

MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO

1. “Bolelela Kokomana e e Latelang” ka Maatla a Modimo

(10 mets.)

Dafide o ile a bona kafa Jehofa a neng a mo sireletsa ka gone fa a ne a santse a le mosha (Ps 71:5; w99 9/1 18 ¶17)

Dafide o ne a bona kafa Jehofa a neng a mo tshegetsa ka gone fa a ne a setse a tsofetse (Ps 71:9; g04 10/8 17 ¶3)

Dafide o ne a kgothatsa basha ka go ba tlotlela ka maitemogelo a gagwe (Ps 71:17, 18; w14 1/15 23 ¶4-5)

IPOTSE: ‘Ka nako ya Kobamelo ya Lelapa, nka rata go botsolotsa mokaulengwe kgotsa kgaitsadi ofe yo o nang le dingwaga di le dintsi a direla Jehofa?’

2. Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong

(10 mets.)

  • Ps 72:8​—Se Jehofa a ileng a se solofetsa Aborahame mo go Genesise 15:18 se ile sa diragadiwa jang fa Kgosi Solomone a busa? it-1-E 768)

  • Mo mmalong wa Baebele wa beke eno, ke dintlha dife tse o ka ratang go tlotla ka tsone?

3. Mmalo wa Baebele

(4 mets.) Ps 71:1-24 (th thuto 5)

TLHAGAFALELA BODIREDI

4. Fa o Kopana le Motho Lekgetlo la Ntlha

(3 mets.) GO RERA KA NTLO LE NTLO. Fa mong wa ntlo a simolola go ngangisana le wena, emisa motlotlo ka tsela e e molemo. (lmd thuto 4 ntlha 5)

5. Fa o Dira Maeto a go Boela

(4 mets.) GO RERA O SE MO BODIREDING. Tsweletsa motlotlo le mongwe wa losika yo o okaokang go ithuta Baebele. (lmd thuto 8 ntlha 4)

6. Tlhalosa Se o Se Dumelang

(5 mets.) Puo. ijwfq 49​—Setlhogo: Goreng Basupi ba ga Jehofa ba Ile ba Fetola Dilo Dingwe Tse ba Neng ba di Dumela? (th thuto 17)

BOTSHELO JWA BOKERESETE

Pina 76

7. Dikakantsho Tsa Kobamelo ya Lelapa

(15 mets.) Motlotlo.

Kobamelo ya Lelapa ke nako e e botlhokwa e bana ba tshwanetseng go rutiwa le go kaelwa “ka tsela e Jehofa” a e batlang. (Bae 6:4) Go ithuta ga se kgetsi e potlana, mme e ka nna sengwe se se itumedisang, segolobogolo fa bana ba na le keletso ya go ithuta Baebele. (Joh 6:27; 1Pe 2:2) Sekaseka lebokoso la setlhogo se se reng, “ Dikakantsho Tsa go Tshwara Kobamelo ya Lelapa.” Lebokoso leno le diretswe go thusa batsadi gore ba nne le Kobamelo ya Lelapa e e rutang e bile itumedisa ba lelapa, go tswa foo, botsa bareetsi dipotso tse di latelang:

  • O ka rata go lekeletsa dikakantsho dife?

  • A go na le se sengwe gape se se ka lo solegelang molemo?

Tshameka BIDIO ya Nnang lo Tokafatsa Kobamelo ya Lelapa. Go tswa foo, botsa bareetsi potso e e latelang:

  • Rre wa lelapa a ka dira eng gore mosadi wa gagwe a itumelele kobamelo ya lelapa le fa bana ba seyo?

8. Thuto ya Baebele ya Phuthego

Dintlha Tse di Konelang (3 mets.) | Pina 123 le Thapelo