Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

July 15-21

DIPESALEMA 63-65

July 15-21

Pina 108 le Thapelo | Matseno (1 mots.)

MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO

1. “Lorato Lwa Gago Lo lo Sa Kgaotseng lo Botoka go Gaisa Botshelo”

(10 mets.)

Botsala jwa rona le Jehofa bo botlhokwa thata go feta botshelo (Ps 63:3; w01 10/15 15-16 ¶17-18)

Fa re akanya ka ditsela tse Jehofa a re bontshitseng lorato lo lo sa kgaotseng ka gone, seno se tla dira gore re mo anaanele le go feta (Ps 63:6; w19.12 28 ¶4; w15 10/15 22 ¶7)

Fa re anaanela lorato lo lo sa kgaotseng lwa ga Jehofa seno se tla re tlhotlheletsa gore re mo galaletse (Ps 63:4, 5; w09 7/15 16 ¶6)

KAKANTSHO YA KOBAMELO YA LELAPA: Tlotlang ka ditsela tse Jehofa a lo bontshitseng lorato lo lo sa kgaotseng ka gone.

2. Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong

(10 mets.)

  • Ps 64:3​—Temana eno e re thusa jang go laola se re se buang? (w07 11/15 15 ¶6)

  • Mo mmalong wa Baebele wa beke eno, ke dintlha dife tse o ka ratang go tlotla ka tsone?

3. Mmalo wa Baebele

TLHAGAFALELA BODIREDI

4. Fa o Kopana le Motho Lekgetlo la Ntlha

(2 mets.) GO RERA KA NTLO LE NTLO. Mong wa ntlo o bua puo e e farologaneng le e o e buang. (lmd thuto 3 ntlha 4)

5. Fa o Kopana le Motho Lekgetlo la Ntlha

(2 mets.) GO RERA O SE MO BODIREDING. Motlotlo o fela o ise o kgone go mo rerela. (lmd thuto 2 ntlha 4)

6. Fa o Kopana le Motho Lekgetlo la Ntlha

(3 mets.) GO RERA PHATLALATSA. Leka go bona gore motho yo o buang le ene o itumelela go tlotla ka eng, o bo o dira dithulaganyo tsa gore lo kopane gape. (lmd thuto 1 ntlha 5)

7. Tlhalosa Se o Se Dumelang

(4 mets.) Pontsho. ijwfq 51​—Setlhogo: Goreng Basupi ba ga Jehofa ba Rerela Batho Ba ba Ba Reileng ba re “Ga re Kgatlhege”? (lmd thuto 4 ntlha 3)

BOTSHELO JWA BOKERESETE

Pina 154

8. Kafa re Bontshang ka Gone Gore re Rata Modimo

(15 mets.) Motlotlo.

Jehofa o na le “lorato lo logolo lo lo sa kgaotseng.” (Ps 86:15) “Lorato lo lo sa kgaotseng” ke lorato lo lo tlhotlhelediwang ke go ineela, go ikanyega le go rata mongwe fela thata. Jehofa o rata batho botlhe mme “lorato lo lo sa kgaotseng” lone, lo tlhalosa tsela e a ratang batlhanka ba gagwe ka yone, ba a nang le botsala jo bo tlhomologileng le bone. (Ps 33:18; 63:3; Joh 3:16; Dit 14:17) Re bontsha gore re anaanela lorato lo lo sa kgaotseng lo Jehofa a re bontshang lone ka go mmontsha gore re a mo rata. Re ka dira seo jang? Ka go ikobela ditaelo tsa gagwe, go akaretsa le taelo ya go “dira barutwa.”​—Mat 28:19; 1Jo 5:3.

Tshameka BIDIO ya Rata Bodiredi. Go tswa foo, botsa bareetsi dipotso tse di latelang:

Go rata Jehofa go ka re tlhotlheletsa jang go rera dikgang tse di molemo

  • fa re lapile?

  • fa re ganediwa?

  • fa re dira ditiro tsa rona tsa letsatsi le letsatsi?

9. Thuto ya Baebele ya Phuthego

Dintlha Tse di Konelang (3 mets.) | Pina 79 le Thapelo