Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

July 22-28

DIPESALEMA 66-68

July 22-28

Pina 7 le Thapelo | Matseno (1 mots.)

MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO

1. Jehofa o Rwala Merwalo ya Rona

(10 mets.)

Jehofa o reetsa dithapelo tsa rona e bile o a di araba (Ps 66:19; w23.05 12 ¶15)

Jehofa o thusa batho ba ba tlhokang (Ps 68:5; w10 12/1 23 ¶6; w09 4/1 31 ¶1)

Jehofa o a re thusa letsatsi le letsatsi (Ps 68:19; w23.01 19 ¶17)

AKANYETSA KWA TENG KA SENO: Nka letla Jehofa jang gore a rwale morwalo wa me?

2. Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong

(10 mets.)

  • Ps 68:18​—Mo metlheng ya Baiseraele, “banna ba ba neng ba na le bokgoni” e ne e le bomang? (w06 6/1 10 ¶4)

  • Mo mmalong wa Baebele wa beke eno, ke dintlha dife tse o ka ratang go tlotla ka tsone?

3. Mmalo wa Baebele

(4 mets.) Ps 66:1-20 (th thuto 11)

TLHAGAFALELA BODIREDI

4. Fa o Kopana le Motho Lekgetlo la Ntlha

(3 mets.) GO RERA KA NTLO LE NTLO. Mong wa ntlo o tswa kwa nageng e e farologaneng le e wena o tswang mo go yone. (lmd thuto 5 ntlha 3)

5. Fa o Dira Maeto a go Boela

(4 mets.) GO RERA KA NTLO LE NTLO. Tsweletsa motlotlo le mong wa ntlo ka pampitshana e o mo tlogeletseng yone mo nakong e e fetileng. (lmd thuto 9 ntlha 3)

6. Fa o Dira Barutwa

BOTSHELO JWA BOKERESETE

Pina 102

7. A o Ka Kgona go Imolola Mongwe?

(15 mets.) Motlotlo.

Ga go na motlhanka ope wa Modimo yo o tshwanetseng go lebana le diteko a le nosi. (2Dt 20:15; Ps 127:1) Jehofa o ikemiseditse go re thusa. (Isa 41:10) Jehofa o re thusa ka ditsela dife? O dirisa Baebele le phuthego ya gagwe go re kaela. (Isa 48:17) O re naya moya o o boitshepo. (Luk 11:13) Gape o dirisa bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona go re kgothatsa le go re thusa. (2Bk 7:6) Seno se raya gore Jehofa a ka kgona go dirisa mongwe le mongwe wa rona go imolola Mokeresete yo mongwe.

Tshameka BIDIO ya Rata ba Bangwe mo Phuthegong​—Bagodi. Go tswa foo, botsa bareetsi potso e e latelang:

  • O ka dira eng go imolola Mokeresete yo o godileng?

Tshameka BIDIO ya Rata ba Bangwe mo Phuthegong​—Ba ba Mo Tirelong ya Nako e e Tletseng. Go tswa foo, botsa bareetsi potso e e latelang:

  • O ka dira eng go imolola mongwe yo o mo tirelong ya nako e e tletseng?

Tshameka BIDIO ya Rata ba Bangwe mo Phuthegong​—Ba ba Tswang Kwa Dinageng Tse Dingwe. Go tswa foo, botsa bareetsi potso e e latelang:

  • O ka dira eng go imolola batho ba ba lebaneng le diteko?

8. Thuto ya Baebele ya Phuthego

Dintlha Tse di Konelang (3 mets.) | Pina 88 le Thapelo