Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

July 29–August 4

PESALEMA 69

July 29–August 4

Pina 13 le Thapelo | Matseno (1 mots.)

MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO

1. Pesalema 69 e Ile ya Bolelelapele se se Tla Diragalelang Jesu

(10 mets.)

Batho ba ne ba tlhoile Jesu mme ba se na lebaka la go dira jalo (Ps 69:4; Joh 15:24, 25; w11 8/15 11 ¶17)

Jesu o ne a rata kobamelo ya boammaaruri (Ps 69:9; Joh 2:13-17; w10 12/15 8 ¶7-8)

Jesu o ne a ngomogile pelo mme a newa beine e e tlhakantsweng le santlhoko (Ps 69:20, 21; Mat 27:34; Luk 22:44; Joh 19:34; g95-E 10/22 31 ¶4; it-2-E 650)


AKANYETSA KWA TENG KA SENO: Goreng Jehofa a ile a dira gore go kwalwe boporofeti jo bo ka ga Mesia mo Dikwalong tsa Sehebera?

2. Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong

(10 mets.)

  • Ps 69:30, 31​—Ditemana tseno di ka re thusa jang gore re tokafatse tsela e re rapelang ka yone? (w99 1/15 18 ¶11)

  • Mo mmalong wa Baebele wa beke eno, ke dintlha dife tse o ka ratang go tlotla ka tsone?

3. Mmalo wa Baebele

(4 mets.) Ps 69:1-25 (th thuto 2)

TLHAGAFALELA BODIREDI

4. Nna Pelotelele​—Se Jesu a Ileng a se Dira

(7 mets.) Motlotlo. Tshameka BIDIO, lo bo lo tlotla ka lmd thuto 8 ntlha 1-2.

5. Nna Pelotelele​—Etsa Jesu

(8 mets.) Motlotlo. Dirisa dintlha tse di tswang mo boroutšhareng jwa lmd thuto 8 ntlha 3-5 le karolo ya “Bona Le.”

BOTSHELO JWA BOKERESETE

Pina 134

6. Dilo Tse Phuthego e Tlhokang go di Ela Tlhoko

(5 mets.)

7. Se se Ka re Thusang Gore Kobamelo ya Lelapa e re Solegele Molemo

(10 mets.) Motlotlo.

Ka January 2009, Thuto ya Baebele ya Phuthego e ne ya kopanngwa le Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo le Pokano ya Tirelo gore e ne pokano e le nngwe. Phetogo eno e ile ya thusa malapa gore beke le beke ba nne le nako e e oketsegileng ya go tshwara kobamelo ya lelapa. Bontsi jwa bone ba itumeletse thulaganyo eno ka gonne e ba thusitse go atamalana le Jehofa le ba malapa.​—Dut 6:6, 7.

Ke eng se se ka thusang ditlhogo tsa malapa gore di nne le Kobamelo ya Lelapa e e tla solegelang lelapa molemo?

  • E tshware ka metlha. Fa go kgonega, tlhophang letsatsi le lo ka kgonang go tshwara kobamelo ya lelapa ka lone beke le beke. Nnang le letsatsi le lengwe kwa thoko le lo ka tshwarang kobamelo ya lelapa ka lone, fa lo paletswe ke go e tshwara ka letsatsi le lo neng lo le tlhophile

  • Baakanyetsa. Tlotla le mosadi wa gago ka dilo tse lo ka di dirang ka nako ya kobamelo ya lelapa. Mme gangwe le gape kopa dikakantsho mo baneng ba gago. Ga lo tlhoke go baakanyetsa thata, segolobogolo fa e le sengwe se lelapa le itumelelang go se dira beke le beke

  • Dira gore thulaganyo e solegele lelapa molemo. Fa bana ba ntse ba gola, dilo tse ba tlhokang thuso ka tsone le dilo tse ba neng ba kgona go di dira di a fetoga. Thulaganyo ya kobamelo ya lelapa e tshwanetse go thusa mongwe le mongwe mo lelapeng go atamalana le Jehofa

  • Dira gore kobamelo ya lelapa e nne monate. Ka dinako tse dingwe, lo ka tshwarela kobamelo ya lelapa kwa ntle fa maemo a bosa a letla. Fa kobamelo ya lelapa e ntse e tsweletse mme lo tlhoka go ikhutsa, lo ka dira jalo. Gone go botlhokwa go bua ka dikgwetlho tse bana ba lebanang le tsone ka kobamelo ya lelapa, mme o se ka wa dirisa nako eo go ba omanya kgotsa go ba otlhaya

  • Dira dilo tse di farologaneng ka kobamelo ya lelapa. Ka sekai, lo ka baakanyetsa karolo nngwe e e tla tlotliwang kwa dipokanong, lwa lebelela bidio e e tswang mo jw.org lo bo lo tlotla ka yone, kgotsa lo ka ikatisa gore lo tla bua jang kwa bodireding. Le fa gone Kobamelo ya Lelapa e diretswe gore malapa a ithute mmogo, ka dinako tse dingwe maloko a lelapa a ka dirisa nako eo go ithuta a le esi

Tlotla ka potso eno:

  • Lo lekile go dirisa jang dikakantsho tseno ka nako ya lona ya kobamelo ya lelapa?

8. Thuto ya Baebele ya Phuthego

Dintlha Tse di Konelang (3 mets.) | Pina 114 le Thapelo