Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

June 18-24

LUKE 2-3

June 18-24
  • Pina 133 le Thapelo

  • Matseno (3 mets. kgotsa kwa tlase)

MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO

  • Basha—Nonotshang Kamano ya Lona le Jehofa”: (10 mets.)

    • Luk 2:41, 42—Jesu o ne a tsamaya le batsadi ba gagwe go ya kwa moletlong wa Tlolaganyo wa ngwaga le ngwaga (“batsadi ba gagwe ba ne ba tlwaetse”—ntlha e e mo go Luk 2:41 mo nwtsty)

    • Luk 2:46, 47—Jesu o ne a reetsa baeteledipele ba bodumedi a bo a ba botsa dipotso (“a ba botsa dipotso,” “ba gakgamadiwa”—dintlha tse di mo go Luk 2:46, 47 mo nwtsty)

    • Luk 2:51, 52—Jesu o ne a “tswelela a le mo taolong” ya batsadi ba gagwe e bile o ne a ratwa ke Modimo le batho (“a tswelela a le mo taolong ya bone”—ntlha e e mo go Luk 2:51, 52 mo nwtsty)

  • Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong: (8 mets.)

    • Luk 2:14—Temana eno e kaya eng? (“mme mo lefatsheng go nne kagiso gareng ga batho ba ba amogelwang,” “batho ba ba amogelwang”—dintlha tse di mo go Luk 2:14 mo nwtsty)

    • Luk 3:23—Rraagwe Josefa e ne e le mang? (wp16.3 9 ¶1-3)

    • Mmalo wa Baebele wa beke eno o go rutile eng ka Jehofa?

    • Ke matlotlo afe a mangwe a o a boneng mo mmalong wa Baebele wa beke eno?

  • Mmalo wa Baebele: (4 mets. kgotsa kwa tlase) Luk 2:1-20

TLHAGAFALELA BODIREDI

  • Loeto Lwa Ntlha: (2 mets. kgotsa kwa tlase) Simolola ka karolo ya se re ka se buang mo bodireding. Go tswa foo, araba motho yo o buang sengwe se batho ba tshimo ya lona ba ratang go se bua fa ba leka go lo thibela go rera.

  • Bidio Ya fa O Boa Lekgetlo la Bobedi: (5 mets.) Tshameka bidio lo bo lo tlotla ka yone.

  • Puo: (6 mets. kgotsa kwa tlase) w14 2/15 26-27—Setlhogo: Bajuda Ba ne Ba na Le Mabaka Afe a go Nna ba “Letile” Mesia?

BOTSHELO JWA BOKERESETE