Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

BOTSHELO JWA BOKERESETE

Jehofa O ne A Tla Ikutlwa Jang?

Jehofa O ne A Tla Ikutlwa Jang?

Pele o dira tshwetso epe fela, a o a tle o ipotse gore ‘Jehofa o ne a tla ikutlwa jang?’ Le fa gone re sa kgone go itse sengwe le sengwe se se mo mogopolong wa ga Jehofa, o dirisa Baebele gore re itse gore o ikutlwa jang ka dilo dingwe mme seno se re thusa go dira “tiro nngwe le nngwe e e molemo.” (2Ti 3:16, 17; Bar 11:33, 34) Jesu o ne a itse gore thato ya ga Jehofa ke eng e bile o ne a e dira. (Joh 4:34) A re lekeng go etsa Jesu ka go dira ditshwetso tse di itumedisang Jehofa.—Joh 8:28, 29; Bae 5:15-17.

LEBANG BIDIO YA TSWELELANG LO LEMOGA THATO YA GA JEHOFA (LEF 19:18), LO BO LO ARABA DIPOTSO TSE DI LATELANG:

  • Goreng re tshwanetse go dirisa melaometheo ya Baebele?

  • Ke melaometheo efe ya Baebele e re tlhokang go e dirisa fa re tlhopha mmino?

  • Ke melaometheo efe ya Baebele e re tlhokang go e dirisa fa re tlhopha se re tla se aparang le tsela e re ipaakanyang ka yone?

  • Ke maemo afe a mangwe a re tlhokang go dirisa melaometheo ya Baebele mo go one?

  • Re ka tokafatsa jang bokgoni jwa rona jwa go itse se Jehofa a batlang re se dira?

Ditshwetso tse ke di dirang di bontsha gore ke rata Jehofa go le kana kang?