Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

BOTSHELO JWA BOKERESETE

Tlhopha Boitlosobodutu jo bo Siameng

Tlhopha Boitlosobodutu jo bo Siameng

Goreng re tshwanetse go tlhopha boitlosobodutu jo bo siameng? Ka gonne fa re tlhopha gore re a go lebelela movie ofe, re a go reetsa pina efe, re a go tsena mo website efe, re a go bala buka efe kgotsa gore re a go tshameka motshameko ofe, re a bo re tlhopha gore re tsenya eng mo megopolong ya rona. Tsela e re itshwarang ka yone e ikaegile ka ditshwetso tse re di dirang. Se se utlwisang botlhoko ke gore, bontsi jwa dilo tse batho ba itlosang bodutu ka tsone di na le dilo tse Jehofa a sa di rateng. (Pes 11:5; Bag 5:19-21) Ke sone se Baebele e re kgothaletsang gore re tswelele re akanya ka dilo tse di tla galaletsang Jehofa.—Baf 4:8.

LEBANG BIDIO YA KE TSHWANETSE GO ITLOSA BODUTU KA DILO TSE DI NTSENG JANG? LO BO LO ARABA DIPOTSO TSE DI LATELANG:

  • Metshameko ya bogologolo ya kwa Roma e tshwana jang le metshameko e mengwe ya gone jaanong?

  • Baboledi mo phuthegong ba ka thusa bana le basha jang go tlhopha boitlosobodutu jo bo siameng?

  • Baroma 12:9 e ka re thusa jang fa re tlhopha se re tla itlosang bodutu ka sone?

  • Ke dilo dife tse di siameng tse o ka itlosang bodutu ka tsone kwa o nnang teng?