Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | BAGALATIA 4-6

Re ka Ithuta Eng mo ‘Tiragalong ya Tshwantshetso’?

Re ka Ithuta Eng mo ‘Tiragalong ya Tshwantshetso’?

4:24-31

Moaposetoloi Paulo o ne a dirisa “tiragalo ya tshwantshetso” go bontsha gore kgolagano e ntšha e botoka go feta kgolagano ya bogologolo ya Molao wa ga Moshe. Ka nako ya fa Keresete le babusimmogo le ene ba tla bong ba busa lefatshe, batho ba tla gololwa mo boleong, mo botlhokong le mo losong.—Isa 25:8, 9.

 

HAGARE—LELATA

Setšhaba sa Iseraele se se neng se laolwa ke molao wa ga Moshe, e bile ba obamela kwa toropokgolo e e bidiwang Jerusalema

SARA—MOSADI YO O GOLOLESEGILENG

Jerusalema yo o kwa godimo, karolo ya phuthego ya Modimo e e kwa legodimong

“BANA” BA GA HAGARE

Bajuda ba ba neng ba dumalane le Jehofa gore ba tla ikobela Molao wa ga Moshe, ba bogisa Jesu ba bo ba mmolaya

“BANA” BA GA SARA

Keresete le Bakeresete ba ba 144 000 ba ba tloditsweng

BATLHANKA BA KGOLAGANO E KGOLOGOLO

Molao o ne o gakolola Baiseraele gore ke baleofi

KGOLAGANO E NTŠHA E A RE GOLOLA

Baiseraele ba ne ba palelwa ke go latela Molao sentle, mme seno se ne se supa gore ke baleofi. Go nna le tumelo mo setlhabelong sa ga Keresete go ba thusitse gore ba se ka ba nna batlhanka ba boleo