Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipuisano Tse Re ka Di Dirisang

Dipuisano Tse Re ka Di Dirisang

TORA YA TEBELO

Potso: A o tlwaelane le mafoko ano a a itsegeng thata?

Temana: Joh 3:16

Fa o mo naya kgatiso: Kgatiso eno ya Tora ya Tebelo e tlhalosa gore o ka solegelwa molemo jang ke go boga le go swa ga ga Jesu.

TORA YA TEBELO (tsebe ya bofelo)

Potso: Ela tlhoko potso eno le dikarabo dingwe tse di tlwaelegileng. [Bala potso ya ntlha le dintlha tse di ka fa tlase ga yone.] Wena o ne o ka e araba jang?

Temana: Mat 4:1-4

Fa o mo naya kgatiso: Diabolo o ile a bua le Jesu le go mo raela, ka jalo go raya gore Diabolo ga se bosula fela jo bo mo mothong. Ke eng gape se Baebele e se buang ka Diabolo? Setlhogo seno se tlhalosa mo go oketsegileng.

TALETSO YA SEGOPOTSO

Fa o mo naya kgatiso: Re tsamaya re naya batho taletso eno ya go tla tiragalong e e botlhokwatlhokwa e go tsenwang mahala kwa go yone. [Mo neye taletso.] Ka March 23, dimilione tsa batho mo lefatsheng lotlhe di tla bo di kopane go tla go gopola loso lwa ga Jesu Keresete, le go utlwa gore Baebele ya re loso lwa gagwe lo re solegela molemo jang. Taletso eno e bontsha gore tiragalo eno e tla tshwarelwa kae le gone leng. Re kopa gore o tle fa o ka kgona.

ITIRELE PUISANO

Itirele puisano o dirisa tsela e e tshwanang le e e fa godimo.