Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

TLHAGAFALELA BODIREDI

Go Tokafatsa Bokgoni Jwa Rona mo Bodireding—Go Itirela Dipuisano Tsa go Tsamaisa Dimakasine

Go Tokafatsa Bokgoni Jwa Rona mo Bodireding—Go Itirela Dipuisano Tsa go Tsamaisa Dimakasine

GORENG GO LE BOTLHOKWA: Le fa dipuisano tse di mo bukaneng ya pokano di re naya dikakantsho tse di molemo, ga go reye gore re tshwanetse go dirisa tsone fela. O tshwanetse go dirisa mafoko a gago. Gongwe o ka batla go dirisa puisano nngwe kgotsa setlhogo sengwe se o akanyang gore se ka tshwanela lefelo la lona. Fa go ntse jalo, morago ga go bala dimakasine, go sekaseka dipuisano le go leba dibidio tsa go tsamaisa dikgatiso, o ka nna wa dirisa dikakantsho tse di latelang go itirela dipuisano.

O KA DIRA SENO JANG?:

Ipotse jaana, ‘A ke batla go dirisa nngwe ya dipuisano tse di mo bukaneng ya pokano?’

EE

  • Baakanyetsa matseno. Fa o sena go dumedisa, tlhalosa lebaka la go bo o etetse mo lelapeng. (Sekai: “Ke go etetse ka gore . . . ”)

  • Akanya gore o tla mo araba jang ka temana fa o sena go mmotsa potso le go mo naya kgatiso. (Sekai: Pele o bala temana o ka re, “Re ka bona karabo e e tlhatswang pelo mo temaneng eno.”)

NNYAA

  • Tlhopha setlhogo se se go kgatlhang se o bonang se ka ama batho mo tshimong ya lona

  • Baakanyetsa potso e e tla dirang gore motho a ntshe maikutlo le gore lo nne le motlotlo, mme gone o se ka wa dira gore a tlhabiwa ke ditlhong. (Sekai: Dipotso tse di mo tsebe 2 ya dimakasine.)

  • Tlhopha temana e o tla e balang. (Go tla tswa mo go wena fa o tsamaisa Tsogang! gore a o tla bala temana kgotsa nnyaa, ka gonne makasine ono o diretswe batho ba ba sa itseng go le gontsi ka Baebele e bile ba sa tshepe bodumedi.)

  • Kwala seele kgotsa tse pedi tse di tlhalosetsang mong wa ntlo gore setlhogo seo se tla mo solegela molemo jang fa a ka se bala

MO MAEMONG OTLHE

  • Baakanyetsa potso e o tla e tlogelelang mong wa ntlo e o tla e arabang mo loetong lwa go boela

  • Kwala dintlha tse di tla go gopotsang se o batlang go se bua mo nakong e e tlang