Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | JOBE 11-15

Jobe O ne A Dumela mo Tsogong ya Baswi

Jobe O ne A Dumela mo Tsogong ya Baswi

Jobe o ne a bua ka tumelo e a neng a na le yone mo Modimong ya gore o tla mo tsosa mo baswing

14:7-9, 13-15

  • Jobe o ne a dira sekai—gongwe a dirisa setlhare sa motlhware—go bontsha fa a dumela gore Modimo o tla mo tsosa mo baswing

  • Medi ya setlhare sa motlhware e kgona go golela kwa teng teng e bile setlhare se ka boa se gola gape le fa kutu ya sone e kgaotswe. Fa fela medi ya sone e sa ntse e tshela, se tla gola gape

  • Fa pula e na morago ga komelelo, kutu ya setlhare se se omeletseng sa motlhware e kgona go boa e gola gape le go tlhagisa “kala e kgolo jaaka semela se sesha”