Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

BOTSHELO JWA BOKERESETE

Ka Ntlha ya Thekololo go Tla Nna le Tsogo ya Baswi

Ka Ntlha ya Thekololo go Tla Nna le Tsogo ya Baswi

Segopotso se re naya tshono e ntle ya go akanya ka masego a a tla nnang gone mo isagweng ka ntlha ya thekololo, jaaka tsogo ya baswi. Ga e ise e ko e nne maikaelelo a ga Jehofa gore batho ba swe. Ke gone ka moo go swelwa ke motho yo o mo ratang e leng selo se se utlwisang botlhoko go feta sengwe le sengwe. (1Bak 15:26) Jesu o ne a utlwisiwa botlhoko ke go bona barutwa ba gagwe ba lelela Lasaro. (Joh 11:33-35) E re ka botho jwa ga Jesu bo senola jwa ga Rraagwe ka botlalo, re ka tlhomamisega gore Jehofa le ene o utlwa botlhoko fa a re bona re lelela baratwa ba rona ba ba suleng. (Joh 14:7) Jehofa o tlhologeletswe nako e mo go yone a tla tsosang batlhanka ba gagwe mo losong, mme le rona re ka emela seo ka matlho a mahibidu.—Job 14:14, 15.

E re ka Jehofa e le Modimo wa thulaganyo, go a utlwala gore re dumele gore tsogo ya baswi e tla diragala ka thulaganyo. (1Bak 14:33, 40) Go na le gore go nne le diphitlho, gongwe go tla nna le meletlo ya go amogela ba ba tsositsweng. A o a tle o tlhatlhanye ka tsogo ya baswi, segolobogolo ka dinako tsa khutsafalo? (2Bak 4:17, 18) A o leboga Jehofa go bo a re neile thekololo le go bo a senotse mo Dikwalong gore baswi ba tla tshela gape?—Bak 3:15.

  • O lebile pele go bona masika le ditsala dife?

  • Ke batho bafe mo Baebeleng ba o lebileng pele go kopana le bone le go tlotla le bone?