Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipuisano Tse Re ka Di Dirisang

Dipuisano Tse Re ka Di Dirisang

TORA YA TEBELO

Potso: O akanya gore ke mpho efe ya botlhokwatlhokwa e Modimo a re e neileng?

Temana: Joh 3:16

Fa o mo naya kgatiso: Makasine ono wa Tora ya Tebelo o tlhalosa lebaka la go bo Modimo a ile a romela Jesu go tla go re swela le kafa re ka bontshang ka gone gore re leboga Modimo ka mpho eo.

BOGOSI JWA MODIMO KE ENG? (T-36)

Potso: [Mmontshe pampitshana.] O ka araba potso eno jang? A Bogosi Jwa Modimo ke sengwe se se mo pelong ya gago? sekapuo? kgotsa puso ya kwa legodimong?

Temana: Dan 2:44; Isa 9:6

Fa o mo naya kgatiso: Pampitshana eno e tlhalosa kafa Bogosi Jwa Modimo bo ka re solegelang molemo ka gone.

TALETSO YA SEGOPOTSO

Fa o mo naya kgatiso: Re laletsa batho go tla kwa tiragalong e e botlhokwa thata. [Mo neye taletso.] Ka April 11, batho mo lefatsheng lotlhe ba tla bo ba kokoane go tla go gopola loso lwa ga Jesu le go reetsa puo e e tla bong e tlhalosa kafa loso lwa gagwe lo re solegelang molemo ka gone. Taletso eno e bontsha nako le lefelo le tiragalo eno e tla tshwarelwang kwa go lone. Re tla itumela fa o ka tla.

ITIRELE PUISANO

Itirele puisano o dirisa tsela e e tshwanang le e e fa godimo.