Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

BOTSHELO JWA BOKERESETE

O ka Dirisa Jang Boroutšhara Jwa Reetsa Modimo?

O ka Dirisa Jang Boroutšhara Jwa Reetsa Modimo?

Boroutšhara jwa Reetsa Modimo Mme o Tshelele Ruri bo diretswe go ruta batho ba ba sa itseng go bala sentle. Ditsebe di le dintsi tsa boroutšhara jono, di na le tshedimosetso e e oketsegileng e lo ka tlotlang ka yone go ikaegile ka bokgoni jwa motho yo o ithutang le ene.

O ka tsamaisa boroutšhara jono nako nngwe le nngwe le fa e se jone jo bo tsamaisiwang mo kgweding eo. Fa o tshwere thuto ya Baebele, dirisa ditshwantsho go tlhalosa pego ya Baebele. Botsa dipotso gore moithuti a nne le seabe le go bona gore o a tlhaloganya. Balang ditemana tse di kwa tlase mo tsebeng nngwe le nngwe lo bo lo tlotla ka tsone. Fa lo feditse boroutšhara jono, ithuteng buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? go thusa moithuti gore a kgone go kolobediwa.