Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | JEREMIA 12-16

Baiseraele ba Ile ba Lebala Jehofa

Baiseraele ba Ile ba Lebala Jehofa

Jehofa o ne a naya Jeremia kabelo e e thata go mmontsha tsela e ka yone a neng a ikemiseditse go kgaogana le batho ba ba tlhogoethata ba kwa Juda le Jerusalema.

Jeremia o ne a ya go ipatlela moitlamo wa leloba

13:1, 2

  • Moitlamo o o bofeletsweng mo lethekeng o ne o tshwantshetsa kamano e Baiseraele ba neng ba ka nna le yone le Jehofa

Jeremia o ne a isa moitlamo kwa Nokeng ya Euferatese

13:3-5

  • O ne a ya go o fitlha mo lefikeng a bo a boela kwa Jerusalema

Jeremia o ne a boela kwa Nokeng ya Euferatese go ya go tsaya moitlamo

13:6, 7

  • Moitlamo o ne o le makgasa

Fa Jeremia a sena go diragatsa kabelo ya gagwe, Jehofa o ne a mo tlhalosetsa lebaka la go bo a mo e neile

13:8-11

  • Jehofa o ile a kgona go fitlhelela dipelo tsa batho ba gagwe ka gonne Jeremia a ile a ikobela Modimo le fa kabelo e a neng a e neilwe e ne e lebega e se botlhokwa go le kalo