Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

BOTSHELO JWA BOKERESETE

Thusa Lelapa la Gago go Gopola Jehofa

Thusa Lelapa la Gago go Gopola Jehofa

Jeremia o ne a laetswe gore a tlhagise Bajuda ka masetlapelo a ba neng ba tlile go lebana le one ka ntlha ya go bo ba ile ba lebala Modimo wa bone, Jehofa. (Jer 13:25) Go tlile jang gore Baiseraele ba iphitlhele ba le mo seemong seo? Malapa a Baiseraele a ne a sa tlhole a ikobela Jehofa. Go bonala ditlhogo tsa malapa di ne di sa latele taelo ya ga Jehofa e e mo go Duteronome 6:5-7.

Gompieno malapa a a ratang Jehofa a nonotsha diphuthego. Ditlhogo tsa malapa di ka thusa ba malapa a bone go gopola Jehofa ka go tshwara Kobamelo ya Lelapa ka metlha. (Pes 22:27) Fa o sena go leba bidio ya “Mafoko Ano . . . A Nne mo Pelong ya Gago”—Dipotsolotso, araba dipotso tseno:

  • Malapa mangwe a ile a kgona jang go tshwara kobamelo ya lelapa le fa a ne a lebane le dikgwetlho?

  • Go tshwara Kobamelo ya Lelapa ka metlha go nna le melemo efe?

  • Ke dikgwetlho dife tse lelapa la rona le lebanang le tsone fa go tla mo kgannyeng ya go tshwara kobamelo ya lelapa, mme nka lepalepana le tsone jang?