Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

BOTSHELO JWA BOKERESETE

O ka Dirisa Jang Boroutšhara Jwa Ke Bomang ba ba Dirang Thato ya ga Jehofa Gompieno?

O ka Dirisa Jang Boroutšhara Jwa Ke Bomang ba ba Dirang Thato ya ga Jehofa Gompieno?

Boroutšhara jwa Ke Bomang ba ba Dirang Thato ya ga Jehofa Gompieno? bo diretswe gore re bo dirise pele re tshwara thuto ya Baebele kgotsa morago ga yone. * Thuto 1 go ya go 4 e bua ka Basupi ba ga Jehofa, thuto 5 go ya go 14 e bua ka ditiro tsa Basupi mme thuto 15 go ya go 28 e bua ka phuthego ya Modimo. Go ka nna molemo go dira dithuto tseno ka go latelana ntle le fa go na le ntlha nngwe e lo tlhokang go tlotla ka yone ka nako eo. Dithuto tsa boroutšhara jono ga di ditelele mme lo ka tlotla ka tsone mo metsotsong e le metlhano go ya go e le lesome.

  • Botsa potso e e mo setlhogong sa thuto nngwe le nngwe

  • Bala thuto yotlhe kgotsa bala serapa sengwe le sengwe

  • Tlotlang ka se lo sa tswang go se bala. Dirisa ditshwantsho le dipotso tse di kwa bofelong jwa setlhogo. O ka nna wa bala ditemana tse di umakilweng lo bo lo tlotla ka tsone. Tlhalosa gore ditlhogwana tsa mmala o montsho di araba potso ya setlhogo

  • Fa go na le lebokoso la “Ithute mo go Oketsegileng,” lo baleng mmogo o bo o mo kgothaletsa gore a dirise dintlha tsa lone

^ ser. 3 Boroutšhara jo bo mo website ya jw.org ke jone bo nang le tshedimosetso ya bosheng.