Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

BOTSHELO JWA BOKERESETE

Dirisa Dibidio fa o Ruta

Dirisa Dibidio fa o Ruta

Ditshwantsho di re thusa go tlhoma mogopolo mo go se re se ithutang gore re kgone go tlhaloganya motlhofo le gore re se ka ra lebala se re se ithutileng. Jehofa o ne a di dirisa fa a ruta. (Ge 15:5; Jer 18:1-6) Jesu le ene o ne a di dirisa. (Mat 18:2-6; 22:19-21) Ditshwantsho tse di solegelang batho molemo mo malatsing ano ke dibidio. A o dirisa dibidio fa o ruta batho Baebele?

Go na le dibidio di le lesome tse re ka di dirisang fa re ruta batho Baebele re dirisa boroutšhara jwa Dikgang Tse di Molemo Tse di Tswang Kwa Modimong! Setlhogo sengwe le sengwe sa bidio se tsamaisana le nngwe ya dipotso tse di mo boroutšhareng jono. Fa o bula boroutšhara jono mo jw.org, dibidio tseno di tlhaga gaufi le ditlhogo dingwe go re gopotsa gore re di bontshe batho. Gape go na le dibidio tse dingwe tse di re thusang go ruta re dirisa dikgatiso tse dingwe tse di mo Lebokosong la go Ruta.

A go na le kgang nngwe ya Baebele e motho yo o ithutang le ene a sa e tlhaloganyeng? Kgotsa a motho yo ithutang le ene o na le mathata mangwe? Batla dibidio tse di ka mo thusang mo jw.org® le mo JW Broadcasting®. Gongwe lo ka tlhopha nngwe ya tsone gore lo e lebe mmogo lo bo lo tlotla ka yone.

Kgwedi le kgwedi, go tswa dibidio tse disha. Fa o di lebeletse, akanya gore o ka di dirisa jang fa o ruta ba bangwe.