Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

BOTSHELO JWA BOKERESETE

Go Tokafatsa Bokgoni Jwa Rona mo Bodireding—Kwalela Batho Makwalo

Go Tokafatsa Bokgoni Jwa Rona mo Bodireding—Kwalela Batho Makwalo

GORENG GO LE BOTLHOKWA: Buka ya 1 Bakorintha ke nngwe ya makwalo a le 14 a moaposetoloi Paulo a ileng a a kwala go kgothatsa Bakeresete. Fa o kwala lekwalo, o kgona go tlhopha mafoko a gago sentle e bile motho a ka kgona go nna a le bala kgapetsakgapetsa. Tsela e e molemo ya go rerela ba masika le batho ba o ba itseng ke ka go ba kwalela makwalo. Gape fa o dirisa makwalo, o ka kgona go rerela le batho ba o sa kgoneng go kopana le bone. Ka sekai, motho a ka batla go itse molaetsa wa Baebele mme o sa nke o mo fitlhela kwa a nnang teng. Go ka nna thata gore re rerele ba bangwe ka gonne ba nna kwa mafelong a go sa tsenweng motlhofo kwa go one kgotsa ba nna kgakala thata. Ke dilo dife tse o tshwanetseng go nna o di gopotse fa o kwalela motho yo o sa mo itseng?

SE O KA SE DIRANG:

  • Kwala se o neng o tla se bua fa o ka bo o kopane le mong wa ntlo. Simolola ka go ikitsise mme o tlhalose lebaka la go bo o mo kwaletse. Go tswa foo, o ka mmotsa potso e a ka akanyang ka yone o bo o mmolelela ka jw.org. Mo tlhalosetse gore thuto ya Baebele e tshwarwa jang kgotsa mmolelele ka ditlhogo dingwe tse di mo dikgatisong tse re di dirisang fa re ithuta Baebele le batho. O ka tsenya karata ya go ikgolaganya le Basupi, taletso kgotsa pampitshana mo enfelopong

  • Nna mokhutshwane. Fa lekwalo le le leleele, le ka dira gore motho yo o le balang a lape ka bonako.—Bona sekai

  • Dira gore lekwalo la gago le se ka la nna le diphoso, le balege motlhofo le gore mafoko a o a dirisitseng a kgothatse motho yo o mo kwalelang