Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

BOTSHELO JWA BOKERESETE

Tsela E o Ka Kwalang Lekwalo ka Yone

Tsela E o Ka Kwalang Lekwalo ka Yone
  • Dirisa aterese ya kwa o nnang teng kgotsa ya poso. Fa o akanya gore go dirisa aterese ya gago go ka go tsenya mo kotsing, kopa bagolwane gore o dirise aterese ya kwa Holong ya Bogosi. Mme O SE KA WA dirisa aterese ya ofisi ya lekala.

  • Fa e le gore o itse leina la motho yo o mo kwalelang, le kwale. Seno se tla dira gore a se ka a akanya gore ke lekwalo la papatso.

  • Dirisa matshwao a puiso e bile o pelete mafoko a gago sentle. Lekwalo la gago le tshwanetse go lebega sentle. Fa e le gore o kwala ka seatla, dira gore mokwalo wa gago o balege motlhofo. Kwala ka tsela e e bontshang gore o tlotla motho yo o mo kwalelang.

Bona tsela e o ka kwalang lekwalo ka yone. Ga o tlhoke go kwala mafoko jaaka a ntse, o ka dirisa mafoko a gago fa o kwalela mongwe. Kwala lekwalo la gago o akantse ka batho ba ba mo lefelong la lona.