Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | BAROMA 12-14

Rata Bakeresete ba Bangwe

Rata Bakeresete ba Bangwe

12:10, 17-21

Fa mongwe a go diretse phoso, go na le gore o ipusolosetse, o ka mo direla sengwe se se molemo. Baroma 12:20 ya re: “Fa mmaba wa gago a tshwerwe ke tlala, mo fepe; fa a nyorilwe, mo neye sengwe gore a nwe; gonne ka go dira seno o tla bo o koelela magala a a tukang mo tlhogong ya gagwe.” Fa o mo direla dilo tse di molemo, a ka nna a ikwatlhaela dilo tse di bosula tse a go di dirileng.

O ile wa ikutlwa jang fa mongwe yo o mo kgopisitseng ka phoso a sa ipusolosetse?