Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Se re Ka se Buang mo Bodireding

Se re Ka se Buang mo Bodireding

●○○ LOETO LWA NTLHA

Potso: Ke eng fa Modimo a ile a bopa batho?

Temana: Ge 1:28

Potso E lo Ka Tlotlang ka Yone fa o Boa: Re itse jang gore Modimo o tlile go dira se a neng a se ikaeletse?

○●○ FA O BOA LEKGETLO LA NTLHA

Potso: Re itse jang gore Modimo o tlile go dira se a neng a se ikaeletse?

Temana: Isa 55:11

Potso E lo Ka Tlotlang ka Yone fa o Boa: Botshelo bo tla nna jang fa Modimo a sena go diragatsa se a neng a se ikaeletse?

○○● FA O BOA LEKGETLO LA BOBEDI

Potso: Botshelo bo tla nna jang fa Modimo a sena go dira se a neng a se ikaeletse?

Temana: Pes 37:10, 11

Potso E lo Ka Tlotlang ka Yone fa o Boa: Fa e le gore re batla go bona Modimo a diragatsa se a neng a se ikaeletse, re tshwanetse go dira eng?

LETSHOLO LA GO LALETSA BATHO GO TLA SEGOPOTSONG (March 23–April 19):

Re laletsa batho go tla go gopola le rona loso lwa ga Jesu Keresete ka Labotlhano, April 19. Taletso ya gago ke eno. Ka lone letsatsi leno, batho ba ka nna dimilione mo lefatsheng lotlhe ba tla bo ba kopane mmogo go gopola loso lwa ga Jesu Keresete. Taletso eno e na le nako le lefelo le re tla kopanelang mo go lone. Gape beke pele ga Segopotso, go tla tlotliwa ka setlhogo se se reng, “Dira ka Natla Gore o Bone Botshelo Jwa Mmatota.”

Potso E lo Ka Tlotlang ka Yone fa o Boa: Goreng Jesu Ile a Swa?