Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Se re Ka se Buang mo Bodireding

Se re Ka se Buang mo Bodireding

●○○ LOETO LWA NTLHA

Potso: Jesu e ne e le mang?

Temana: Mat 16:16

Potso E lo Ka Tlotlang ka Yone fa o Boa: Goreng Jesu a ile a swa?

○●○ FA O BOA LEKGETLO LA NTLHA

Potso: Goreng Jesu a ile a swa?

Temana: Mat 20:28

Potso E lo Ka Tlotlang ka Yone fa o Boa: Re ka dira eng go bontsha gore re lebogela go bo Jesu a re swetse?

○○● FA O BOA LEKGETLO LA BOBEDI

Potso: Re ka dira eng go bontsha gore re lebogela go bo Jesu a re swetse?

Temana: Joh 17:3

Potso E lo Ka Tlotlang ka Yone fa o Boa: Go dirwa eng kwa Holong ya Basupi ba ga Jehofa?

LETSHOLO LA GO LALETSA BATHO GO TLA SEGOPOTSONG (March 14–April 7):

“Re go laletsa go tla tiragalong ya botlhokwa e batho ba le bantsi ba tla bong ba le kwa go yone. Re tla bo re gopola loso lwa ga Jesu.” Naya mong wa ntlo taletso. “Taletso eno e na le nako le lefelo le re tla kopanelang kwa go lone. Gape re go laletsa go tla go reetsa puo e e kgethegileng e e tla tshwarwang ka Sontaga pele ga letsatsi la go gopola loso lwa ga Jesu.”

Potso E lo Ka Tlotlang ka Yone fa o Boa: Goreng Jesu a ile a swa?