Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | GENESISE 29-30

Jakobe o a Nyala

Jakobe o a Nyala

29:18-28

Jakobe o ne a sa itse mathata a neng a tla na le one fa a sena go nyala. Ragele le Lea ba ne ba sa nosane metsi. (Ge 29:32; 30:1, 8) Le fa Jakobe a ne a diragalelwa ke mathata ao, o ne a kgona go bona gore Jehofa o mo thusa ka dinako tsotlhe. (Ge 30:29, 30, 43) Kwa bofelong, bana ba gagwe le ditlogolwana tsa gagwe e ne ya nna setšhaba sa Iseraele.—Ru 4:11.

Gompieno batho ba ba nyalanang le bone ba tla nna le dikgwetlho. (1Bak 7:28) Mme fa ba ikaega ka Jehofa e bile ba dirisa melaometheo ya Baebele manyalo a bone a tla atlega e bile ba tla itumela.—Dia 3:5, 6; Bae 5:33.