Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

BOTSHELO JWA BOKERESETE

Nka Laletsa Mang?

Nka Laletsa Mang?

Ngwaga le ngwaga re laletsa batho go tla Segopotsong sa ga Jesu. Bontsi jwa bone ke batho ba re sa ba itseng. Mme re tshwanetse go laletsa le batho ba re ba itseng. Gantsi batho ba ba tlang Segopotsong ke ba ba laleditsweng ke batho ba ba ba tlwaetseng. (yb08-E 11 ¶3; 14 ¶1) O ka laletsa bomang?

  • Masika

  • Badirimmogo kgotsa ba o tsenang sekolo le bone

  • Baagelani

  • Batho ba o boelang kwa go bone mo tshimong le batho ba o ithutang Baebele le bone kgotsa ba o kileng wa ithuta le bone

Gape bagolwane ba tla laletsa batho ba ba tsidifetseng. O ka dira eng gore o laletse motho yo mo itseng mme a sa nne gaufi le mo o nnang teng? O ka tsena mo jw.org o bo o tobetsa KA GA RONA. Go tswa foo, tobetsa “Segopotso” go bona lefelo le le gaufi le motho yoo a ka yang Segopotsong kwa go lone le gore se tla tshwarwa nako mang. Fa o ntse o ipaakanyetsa Segopotso sa ngwaga ono, akanya ka batho ba o ka ba laletsang mme o ba laletse.