Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

TLHAGAFALELA BODIREDI | ITUMELE MO BODIREDING

Dirisa Lefoko la Modimo

Dirisa Lefoko la Modimo

Lefoko la Modimo le maatla! (Bah 4:12) Le kgona go fitlhelela le dipelo tsa batho ba ba sa itseng Modimo. (1Bath 1:9; 2:13) Re a itumela fa re bona motho yo mongwe a itumedisiwa ke se re mo rutang sone mo Baebeleng.

LEBANG BIDIO YA ITUMELELE TIRO YA GO DIRA BATHO BARUTWA—TOKAFATSA BOKGONI JWA GAGO—THUSA BA BANGWE GO BONA MAATLA A LEFOKO LA MODIMO, LO BO LO ARABA DIPOTSO TSE DI LATELANG:

  • Lesego o ile a dirisa Baebele jang go thusa Mmasentle go bona botlhokwa jwa go dirisa Lefoko la Modimo?

  • Ke eng fa Lesego a ne a kopa gore Mmasentle a balele temana kwa godimo, go tswa foo, Lesego o ne a gatelela ntlha ya botlhokwa jang?

  • Ke eng se se botshang gore temana eno e ile ya fitlhelela Mmasentle pelo, mme Lesego ene o ne a ikutlwa jang?