Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

TLHAGAFALELA BODIREDI | ITUMELE MO BODIREDING

Botsa Dipotso

Botsa Dipotso

Jehofa ke Modimo yo o itumetseng e bile o batla gore re itumedisiwe ke bodiredi (1Ti 1:11) Re tla itumela fa re ntse re tokafala mo bodireding. Go botsa batho dipotso, go tla dira gore ba batle go itse mo go oketsegileng ka se o se buang e bile go tla go thusa gore o kgone go tlotla le batho. Dipotso di dira gore batho ba akanye (Mat 22:41-45) Fa re botsa potso re bo re emela go utlwa karabo ya potso eo, go nna jaaka e kete re raya motho yoo re re ‘o motho wa botlhokwa’ (Jak 1:19) Tsela e motho a arabang ka yone, e tla re thusa go itse gore re tlotle le ene ka eng.

LEBANG BIDIO YA ITUMELELE TIRO YA GO DIRA BATHO BARUTWA—TOKAFATSA BOKGONI JWA GAGO—BOTSA DIPOTSO, LO BO LO ARABA DIPOTSO TSE DI LATELANG:

  • Ke dilo dife tse di neng di bontsha gore Mmasentle o na le pelo e ntle?

  • Lesego o bontshitse jang gore o amega ka Mmasentle?

  • Lesego o boditse Mmasentle dipotso dife go mo thusa gore a batle go itse mo go oketsegileng?

  • Lesego o boditse Mmasentle dipotso dife go dira gore a akanye?