Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

BOTSHELO JWA BOKERESETE

O se Ka wa Etsa Batho Ba ba Sa Ikanyegeng

O se Ka wa Etsa Batho Ba ba Sa Ikanyegeng

Kora, Dathane le Abirame ba ne ba bontsha gore ga ba ikanyege mo go Jehofa fa ba ne ba tsuologela tsela e Jehofa a batlang gore dilo di dirwe ka yone. Jehofa o ne a ba bolaya mmogo le botlhe ba ba neng ba ba ema nokeng. (Dip 16:26, 27, 31-33) Ke maemo afe a a ka dirang gore re se ka ra tlhola re ikanyega mo go Jehofa? Ke dipego dife tse di mo Baebeleng tse di re thusang gore re se ka ra etsa batho ba ba neng ba sa ikanyege?

LEBANG BIDIO YA O SE KA WA ETSA BATHO BA BA SA IKANYEGENG, LO BO LO ARABA DIPOTSO TSE DI LATELANG:

  • Naledi o ne a na le bothata bofe mme o ile a akanya ka mang gore a se ka a etsa sekao sa gagwe sa go sa ikanyege?

  • Mokaulengwe mongwe yo o neng a kgobegile marapo o ne a lebana le seemo sefe mme o ile a akanya ka mang gore a se ka a etsa sekao sa gagwe sa go sa ikanyege?

  • Thapelo o ne a le mo seemong sefe mme o ile a akanya ka mang gore a se ka a etsa sekao sa gagwe sa go sa ikanyege?

  • Mokaulengwe mongwe o ne a lebana le seemo sefe kwa sekolong mme o ile a akanya ka mang gore a se ka a etsa sekao sa gagwe sa go sa ikanyege?