Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO

O se Ka wa Ikgogomosa le go Itshepa Thata

O se Ka wa Ikgogomosa le go Itshepa Thata

Kora o ne a simolola go ikgogomosa le go itshepa thata mme seno se ne sa dira gore a se ka a obamela Jehofa ka tsela e a neng a batla gore batho ba gagwe ba mo obamele ka yone (Dip 16:1-3; w11 9/15 27 ¶12)

Kora e ne e le Molefi yo o a neng a setse a abetswe ditiro di le dintsi tse di kgethegileng mo tirelong ya Modimo (Dip 16:8-10; w11 9/15 27 ¶11)

Dilo tse Kora a neng a di dira di ne tsa dira gore batho ba le bantsi ba bolawe (Dip 16:32, 35)

Ga re a tshwanela go letla gore dilo tse re di fitlheletseng mo tirelong ya ga Jehofa di dire gore re ikgogomose le go itshepa thata. Go botlhokwa gore re nne re ikokobeditse mo phuthegong, bogolo jang fa re na le dingwaga di le dintsi re ntse direla Jehofa kgotsa re na le maikarabelo a mantsi.