Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

March 8-14

DIPALO 9-10

March 8-14
  • Pina 31 le Thapelo

  • Matseno (1 mots.)

MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO

  • Jehofa o Etelela Batho ba Gagwe Pele Jang?”: (10 mets.)

  • Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong: (10 mets.)

    • Dip 9:13—Bakeresete ba ithuta eng mo taelong eno e e ileng ya neelwa Baiseraele? (it-1-E 199 ¶3)

    • Mo mmalong wa Baebele wa beke eno, ke matlotlo afe a o ka ratang go tlotla ka one ka Jehofa, a o ka a dirisang mo tshimong, kgotsa matlotlo a mangwe a o a ithutileng?

  • Mmalo wa Baebele: (4 mets.) Dip 10:17-36 (th thuto 5)

TLHAGAFALELA BODIREDI

  • Taletso ya Segopotso: (3 mets.) Dirisa karolo ya se re ka se buang mo bodireding. Fa mong wa ntlo a se na go bontsha gore o eletsa go tla Segopotsong, mmolelele ka bidio ya Gopola Loso Lwa ga Jesu lo bo lo tlotla ka yone mme o se ka wa e tshameka. (th thuto 11)

  • Loeto Lwa go Boela: (3 mets.) Laletsa mongwe yo o kileng wa mo rerela yo o berekang le ene kgotsa yo o tsenang sekolo le ene go tla kwa Segopotsong. (th thuto 2)

  • Thuto ya Baebele: (5 mets.) bhs 214, ntlha e e kwa bofelong ya 16—Laletsa motho yo o ithutang le ene kwa Segopotsong o bo o dirisa Baebele go mo tlhalosetsa lebaka la go bo re sa nwe e bile re sa je kwa Segopotsong. (th thuto 17)

BOTSHELO JWA BOKERESETE

  • Pina 84

  • Diphetogo Tsa Kwa Bethele di Thusa Gore go Rerwe Dikgang Tse di Molemo: (10 mets.) Motlotlo. Tshameka bidio eno. Go tswa foo, botsa bareetsi dipotso tse di latelang: Go ile ga dirwa kitsiso efe ka pokano ya ngwaga le ngwaga ya 2015 mme mabaka a go bo go dirilwe diphetogo tseo ke afe? Go dirilwe diphetogo dife kwa Bethele mme seno se ile sa thusa jang? Kitsiso eo e ile ya ama jang diphetogo tsa fa go ne go agiwa lekala la kwa Boritane? Diphetogo tseno di bontsha jang gore Jehofa ke ene a kaelang phuthego ya gagwe?

  • Goreng re Tlile mo Bethele: (5 mets.) Tshameka bidio eno.

  • Thuto ya Baebele ya Phuthego: (30 mets.) bhs kgao. 6, ser. 9-16

  • Dintlha Tse di Konelang (3 mets.)

  • Pina 97 le Thapelo