Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

BOTSHELO JWA BOKERESETE

Ditsela Tse Tharo Tse re ka Ikaegang ka Jehofa ka Tsone

Ditsela Tse Tharo Tse re ka Ikaegang ka Jehofa ka Tsone

Dafide o ile a fenya Goliathe ka gonne o ile a ikaega ka Jehofa. (1Sa 17:45) Jehofa o dirisa maatla a gagwe go thusa batlhanka ba gagwe. (2Dt 16:9) Re ka dira eng gore re ikaege ka thuso ya ga Jehofa go na le gore re ikaege ka kitso le bokgoni jo re nang le jone? Go na le ditsela tse tharo tse di tla re thusang:

  • Rapela ka metlha. O se ka wa rapela fela fa o dirile phoso mme gape rapela Jehofa gore a go thuse fa o raelesega go dira sengwe se se sa siamang. (Mat 6:12, 13) Kopa Jehofa gore a segofatse ditshwetso tse o setseng o di dirile, mme o bo o mo kopa gore a go kaele a bo a go neye botlhale pele o dira tshwetso.—Jak 1:5

  • Nna le thulaganyo ya go bala Baebele le go ithuta ka metlha. Bala Baebele letsatsi le letsatsi. (Ps 1:2) Akanya ka dikai tse o ithutang tsone mo Baebeleng mme o bo o dirisa se o se ithutang. (Jak 1:23-25) Baakanyetsa pele o ya bodireding mme o se ka wa ikaega ka kitso e o nang le yone. Fa o baakanyetsa pele o ya dipokanong, se o ithutang sone se tla go solegela molemo

  • Ikobele ditaelo tsa phuthego ya ga Jehofa. O se ka wa goga dinao go reetsa ditaelo tse di tswang mo phuthegong ya Modimo le go di latela. (Dip 9:17) Reetsa bagolwane fa ba go naya dikgakololo le ditaelo.—Bah 13:17

LEBANG BIDIO YA GA RE NA LEBAKA LA GO TSHABA GO BOGISIWA, LO BO LO ARABA DIPOTSO TSE DI LATELANG:

• Ke dilo dife tse bakaulengwe le bokgaitsadi ba neng ba di tshaba?

• Ke eng se se ba thusitseng gore ba se ka ba tlhola ba boifa?