Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

BOTSHELO JWA BOKERESETE

Kafa go Bala Baebele go re Dirang Botlhale ka Gone

Kafa go Bala Baebele go re Dirang Botlhale ka Gone

Botlhale jo bo tswang kwa Modimong bo botlhokwa jaaka matlotlo a a fitlhegileng. (Dia 2:1-6) Botlhale bo re thusa go nna le temogo le go dira ditshwetso tse di molemo. Gape bo a re sireletsa. Ka jalo, botlhale ke “selo sa botlhokwa thata.” (Dia 4:5-7) Re tlhoka go tsaya matsapa go batla matlotlo a a fitlhegileng mo Lefokong la Modimo. Re ka simolola ka go bala Lefoko la Modimo “bosigo le motshegare”—mo go rayang gore letsatsi le letsatsi. (Jos 1:8) Ela tlhoko dikakantsho tse di ka re thusang go itumelela go bala Lefoko la Modimo letsatsi le letsatsi.

LEBANG BIDIO YA BASHA BA ITHUTA GO RATA LEFOKO LA MODIMO, LO BO LO ARABA DIPOTSO TSE DI LATELANG:

Ke eng se se dirileng gore go nne thata gore basha bano ba bale Baebele letsatsi le letsatsi, mme ke eng se se ba thusitseng?

  • Melanie

  • Samuel

  • Celine

  • Raphaello

THULAGANYO YA ME YA GO BALA BAEBELE: