Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

BOTSHELO JWA BOKERESETE

Re ka Dirisa Jang Dibidio Tsa go Simolola go Ithuta Baebele?

Re ka Dirisa Jang Dibidio Tsa go Simolola go Ithuta Baebele?

Re na le dibidio di le nnê tsa go ithuta Baebele tse re ka di dirisang mo bodireding. Re ka dirisa nngwe le nngwe ya tsone mo maemong afe?

  • Bidio ya Ke Eng fa o Tshwanetse go Ithuta Baebele?—Bidio e e Feletseng e diretswe go thusa motho gore a kgatlhegele Baebele le fa a tswa mo bodumeding jo bo farologaneng. E kgothaletsa batho ba ba e lebileng gore ba batle dipotso tsa dikarabo tse di botlhokwa tse ba nang le tsone mo Baebeleng e bile e ba naya lemmenyana la dikarabo tsa dipotso tseo. Gape e tlhalosa kafa motho a ka tsenyang kopo ya go ithuta Baebele ka gone.

  • Bidio ya Ke Eng fa o Tshwanetse go Ithuta Baebele? (e e khutswafaditsweng) e tshwana fela le bidio e e feletseng mme yone e boleele jwa motsotso o le mongwe. O ka e dirisa fa o kopana le batho ba ba senang nako e e lekaneng ya go tlotla.

  • Bidio ya Thuto ya Baebele e Tshwarwa Jang? e diretswe go thusa motho gore a kgatlhegele go ithuta Baebele. Gape e diretswe go araba dipotso tse batho ba ipotsang tsone ka thulaganyo eno, go akaretsa le gore motho a ka tsenya kopo jang ya go ithuta Baebele.

  • Bidio ya Itumelele go Ithuta Baebele e diretswe motho yo o ithutang Baebele. Le fa bidio eno e tlhaga mo tsebe 2 mo bukeng ya Itumelele go Tshelela Ruri!, o ka e bontsha mongwe fa lo tlotla ka boroutšhara jwa Itumelele go Tshelela Ruri! Bidio eno e bua ka dilo tse lo tlileng go tlotla ka tsone mo bukeng eo le gore motho yo o ithutang a ka solofela eng fa lo ntse lo ithuta.

Le fa bidio nngwe le nngwe e diretswe maemo a a rileng, o ka kgona go e bontsha mongwe kgotsa wa e mo romelela mo maemong mangwe le mangwe. Baboledi ba kgothalediwa gore ba itse dibidio tseno le gore ba di dirise sentle fa ba le mo bodireding.