Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO

Kgosi Solomone o Dira Tshwetso e e Seng Botlhale

Kgosi Solomone o Dira Tshwetso e e Seng Botlhale

[Tshameka bidio ya Se se Mo Bukeng ya 2 Ditiragalo.]

Solomone o ne a ikokoanyetsa dikara le dipitse tse di tswang kwa Egepeto (Dut 17:15, 16; 2Dt 1:14, 17)

Gore dipitse le dikara tseno di kgone go tlhokomelwa, go ne go tlhokega batho ba le bantsi le metse e e oketsegileng (2Dt 1:14; it-1-E 174 ¶5; 427)

Le fa gone batho ba ne ba tshela sentle dingwaga di le dintsi fa Solomone a ne a busa, moragonyana o ne a ba thatafaletsa botshelo. Mme fa Rehoboame a ne a nna kgosi, ba ne ba tlhanoga ka gonne o ne a dira gore botshelo jwa bone bo nne thata le go feta. (2Dt 10:3, 4, 14, 16) Ka metlha ditshwetso tse re di dirang di nna le ditlamorago.—Bag 6:7.