Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO

‘Pelo ya Me e Tla Nna E le Mo go Yone ka Metlha’

‘Pelo ya Me e Tla Nna E le Mo go Yone ka Metlha’

Jehofa o ne a re o tla amogela kobamelo e e neng e tla dirwa mo tempeleng e e neng e agilwe ke Solomone (2Dt 7:11, 12)

Fa Jehofa a ne a re pelo ya gagwe e tla nna e le mo tempeleng eo ka metlha, o ne a bontsha gore o tla nna a kgatlhegela se se diregang mo tempeleng eo (2Dt 7:16; w02 11/15 5 ¶1)

Fa batho ba ne ba ka tlogela go tsamaya fa pele ga ga Jehofa “ka pelo yotlhe ya bone,” o ne a tla letla gore tempele eo e senngwe (2Dt 6:14; 7:19-21; it-2-E 1077-1078)

Fa tempele e ne e kgakolwa, batho ba ka tswa ba ne ba akanya gore dipelo tsa bone di ne di tla nna di le mo tempeleng eo. Ka maswabi, tsela e ba neng ba tlhagafaletse go obamela Jehofa ka yone e ne ya fokotsega ka bonya ka bonya.

IPOTSE: ‘Ke bontsha jang gore ke amegile thata ka tsela e ke obamelang Jehofa ka yone?’