Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

BOTSHELO JWA BOKERESETE

Ela Dilo Dingwe Tlhoko fa o Nwa Bojalwa

Ela Dilo Dingwe Tlhoko fa o Nwa Bojalwa

Bakeresete botlhe ba tshwanetse go nwa ka tsela e e siameng. (Dia 23:20, 29-35; 1Bak 6:9, 10) Seno se raya gore fa Mokeresete a tlhopha go nwa, o tshwanetse go nwa ka selekanyo se se rileng. Gape o tshwanetse go tila go kgopisa ba ba sa nweng e bile a se ka a letlelela gore bojalwa bo mo laole. (1Bak 10:23, 24; 1Ti 5:23) Ga re a tshwanela go dira gore batho ba ikutlwe e kete ba tshwanetse go nwa, segolobogolo basha.

LEBANG BIDIO YA AKANYA PELE O NWA, LO BO LO ARABA DIPOTSO TSE DI LATELANG:

  • Goreng Bakeresete botlhe ba tshwanetse go latela melao e e buang ka go nwa bojalwa?—Bar 13:1-4

  • Goreng re sa tshwanela go letlelela ba bangwe ba re pateletsa go nwa bojalwa?—Bar 6:16

  • Re ka tila dilo dife tse di kotsi tse di amanang le go nwa bojalwa?