Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

BOTSHELO JWA BOKERESETE

Nna o Ipaakantse mo Bokhutlong Jwa ‘Metlha ya Bofelo’

Nna o Ipaakantse mo Bokhutlong Jwa ‘Metlha ya Bofelo’

Fa re ntse re itshoketse bokhutlo jwa ‘metlha ya bofelo’ re tlile go lebana le mathata a a utlwisang botlhoko le go feta. (2Ti 3:1; Mat 24:8) Fa masetlapelo a tlhaga, batho ba ga Jehofa ba newa kaelo e e tla bolokang matshelo a bone ka nako e e tshwanetseng. Re tshwanetse go ipaakanya gone jaanong ka gonne seno se tla re thusa go falola mo nakong e e tlang. O ka dira jalo ka go atamalana thata le Jehofa le ka go baakanya dilo tse o tla di tlhokang nako e sa ntse e le gone.—Luk 16:10.

  • Atamalana thata le Jehofa: Bala Baebele e bile o ithute o le nosi ka metlha. Ithute ditsela tse di farologaneng tsa go rera. O se ka wa tshwenyega fa o kgaogantswe le ba bangwe ka nakwana mo phuthegong. (Isa 30:15) Itse gore Jehofa le Jesu ba sa ntse ba na le wena.—od 176 ¶15-17

  • Baakanya dilo tse o tla di tlhokang: Mongwe le mongwe o tlhoka go nna le go-bag mme fa go ka direga gore lo tshwanelwe ke go nna mo ntlong lobaka lo loleele, mongwe le mongwe o tshwanetse go nna le dijo tse di tla mo lekanang, metsi, melemo le dilo dingwe tse lo tla di tlhokang fa lo ntse lo le mo ntlong.—Dia 22:3; g17.5 4, 6

LEBANG BIDIO YA RE KA IPAAKANYETSA JANG MASETLAPELO A TLHOLEGO? LO BO LO ARABA DIPOTSO TSE DI LATELANG:

  • Re ka nonotsha tumelo ya rona jang pele ga masetlapelo?

  • Goreng re tshwanetse . . . 

    • go nna re buisana le bagolwane?

    • go baakanya dilwana tsa thuso ya potlako?

    • go tlotla ka mefuta ya masetlapelo a a ka nnang teng mo lefelong la rona le gore fa a ka direga re tla dira eng?

  • Ke dilo dife tse tharo tse re ka di dirang go thusa ba ba tlhagetsweng ke masetlapelo?

IPOTSE: ‘Nka ithuta eng ka go ipaakanya go sa le gale mo bolwetsing jwa COVID-19?’