Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

BOTSHELO JWA BOKERESETE

Laola Dikeletso Tsa Gago

Laola Dikeletso Tsa Gago

E re ka re le batho ba ba nang le boleo, re tshwanetse go leka ka natla go laola dikeletso tsa rona. Fa re dira sengwe le sengwe fela se re se eletsang, re ka feleletsa re latlhegetswe ke kamano e e molemo le Jehofa. Ka sekai, batho bangwe ba ka feleletsa ba rata dijo, diaparo le matlo go feta tsela e ba ratang Modimo ka yone. Ba bangwe ba tlola molao wa Modimo ka go kgotsofatsa keletso ya bone e e sa laolesegeng ya tlhakanelodikobo. (Bar 1:26, 27) Mme ba bangwe ba itetla go tlhotlhelediwa ke batho ba ba dirang dilo tse di sa siamang ka gonne ba batla gore batho bao ba ba rate le go ba amogela.—Ek 23:2.

Re ka laola jang dikeletso tsa rona? Re tshwanetse go leka ka natla go dira dilo tse di itumedisang Jehofa. (Mat 4:4) Gape re tshwanetse go kopa Jehofa gore a re thuse go laola dikeletso tsa rona. Goreng? Ka gonne o itse se re se tlhokang e bile o kgona go kgotsofatsa dikeletso tsa rona tse di siameng.—Ps 145:16.

LEBANG BIDIO YA, GO GOGA MOTSOKO GO KA SENYA BOTSHELO JWA GAGO, LO BO LO ARABA DIPOTSO TSE DI LATELANG:

  • Goreng batho bangwe ba goga motsoko?

  • Go goga motsoko go ka go bakela mathata afe?

  • Goreng mefuta e e farologaneng ya goga motsoko e sa siama?—2Bk 7:1

  • O ka fenya keletso ya go goga motsoko!

    O ka dira eng gore o gane kgotsa o tlogele go goga motsoko?