Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

BOTSHELO JWA BOKERESETE

“Motho yo o Lorato . . . ga a Itumelele Maaka”

“Motho yo o Lorato . . . ga a Itumelele Maaka”

Sengwe le sengwe se Bakeresete ba boammaaruri ba se dirang, ba se dira ka gonne ba tlhotlhelediwa ke lorato. Motho yo o lorato ga a itumelele tshiamololo kgotsa “maaka.” (1Bk 13:4, 6) Ka jalo, ga re nne le seabe mo boitlosobodutung jo bo rotloetsang boitsholo jo bo sa siamang le thubakanyo. Gape ga re itumelele go bona batho ba diragalelwa ke dilo tse di bosula, tota le fa ba kile ba re utlwisa botlhoko.​​—⁠Dia 17:⁠5.

LEBANG BIDIO YA, GOPOLA TSELA E LORATO LO ITSHWARANG KA YONE—GA LO IPELELE TSHIAMOLOLO, LO BO LO ARABA DIPOTSO TSE DI LATELANG:

  • Dafide o ne a dira eng fa a utlwa gore Saulo le Jonathane ba tlhokafetse?

  • Dafide o ne a tlhamela Saulo le Jonathane pina efe ya khutsafalo?

  • Goreng Dafide a ne a sa itumela fa a utlwa gore Saulo o tlhokafetse?