Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

BOTSHELO JWA BOKERESETE

A o Ipaakanyeditse Nako ya Dikhuduego?

A o Ipaakanyeditse Nako ya Dikhuduego?

Fa tsamaiso eno e ntse e ya bokhutlong, re ka solofela gore dikhuduego, borukhutlhi le dintwa di oketsege. (Tsh 6:4) Re ka ipaakanyetsa jang mathata ano?

  • Nna le tumelo e e nonofileng: Ithute dipego tsa Baebele le melaometheo e e tla go thusang go ikanya Jehofa le phuthego ya gagwe le e e tla go thusang gore o se ka wa tsaya letlhakore. (Dia 12:5; jr 125-126 ¶23-24) Eno ke nako ya gore o nne le kamano e e molemo le bakaulengwe le bokgaitsadi mo phuthegong.—1Pe 4:7, 8

  • Tlhomamisa gore o na le dilo tse o di tlhokang: Dira dithulaganyo tsa gore o tla dira eng fa go ka direga gore o se ka wa kgona go tswa mo lapeng. Gape, itse gore o tla dira eng fa go ka nna le maemo a a go pateletsang gore o tswe mo lefelong le o leng mo go lone. Tlhomamisa gore go-bag ya gago e na le dilo tse o di tlhokang, gape o ka tsenya madi le dilwana tsa go itshireletsa. Nna le dinomoro tsa mogala tsa bagolwane, mme le wena o tlhomamise gore ba na le tsa gago tsa bosheng.—Isa 32:2; g17.5 3-7

Ka nako ya dikhuduego, dira dilo tse o tlwaetseng go di dira go obamela Jehofa, tse di jaaka go rapela, go ithuta le go ya dipokanong. (Baf 1:10) Nna mo lefelong le le lengwe ntle le fa o patelesega go fuduga. (Mat 10:16) Abela ba bangwe dijo le dilo tse ba di tlhokang.—Bar 12:13

LEBANG BIDIO YA, RE KA IPAAKANYETSA JANG MASETLAPELO? LO BO LO ARABA DIPOTSO TSE DI LATELANG:

  • Jehofa a ka re thusa jang ka dinako tsa masetlapelo?

  • Re ka dira eng gore re ipaakanyetse nako eo?

  • Re ka thusa jang batho ba bangwe ba ba tlhagetsweng ke masetlapelo?